GEMS e tlhamilwe go tshotswe wena mo tlhaloganyong. Re sekema sa kalafi se se tswetsweng e bile se le segolo go gaisa se se itebagantseng ka totobalo go tlhokomela ditlhokego tsa tlamelo ya boitekanelo tsa bathapiwa ba Tirelo ya Bosetšhaba.
Re ineetse go tlamela mongwe le mongwe wa maloko a rona gammogo le ba malapa a bona ka phitlhelelo go dithuso tsa tlhwatlhwa e e kgonegang e bile di aname ka motseletsele wa ditlhopho tse 5. Fa e sale leloko la ntlha le ikwadisitse mo go GEMS ka 2006, re itemogetse kgolo e e makatsang tota e bile re dirile tsotlhe go nna sekema sa tirelo ya kalafi se se matsetseleko e bile e le sa tlhwatlhwa e e kgonegang go bathapiwa botlhe ba Tirelo ya Bosetšhaba.
Kwa GEMS, re tlhaloganya mathaithai a intaseteri ya tlamelo ya boitekanelo e e fetofetogang ka dinako tsotlhe, ka jalo, jaaka karolo ya tsela ya rona ya go dira dilo, re amogela tse di agang di batlwa mo go rona, di le dintšhwa e bile e le tse di gwetlhang, e
Ke mang a ka ikwadisang?
O ka nna wa ikwadisa mo go GEMS fa e le gore o thapilwe ke:
Lefapha la Bosetšhaba le le tlhalositsweng mo Šejuleng ya 1 ya Molao wa Tirelo ya Setšhaba;
Lefapha la Porofense le le tlhalositsweng mo Šejuleng ya 2 ya Molao wa T
Tsamaiso ya Porofense e e tlhalosi
Ditheo tsa tsamaiso tse di tl
Setlhopha sefe kana sefe sa mothapi yo o rebeletsweng tetla ke sekema.
fa e le gore o thapilwe ke:
Sesole sa Tshireletso sa Aforika Borwa;
Setheo sa Matlhale sa Bosetšhaba
Tirelo ya Sephiri ya Aforika kgotsa
Lefapha lefe kana maparego a tirelo a sa letleleleng go ikwadisa mo go GEMS.
GEMS e tlamela ka dithuso tsa tlhwatlhwa e e kgonegang go botlhe!
Mongwe le mongwe a ka kgona go duelela go ikwadisa mo go GEMS, gonne tlhwatlhwa e o e duelang go nna leloko la sekema e laolwa ke mogolo o o o amogelang. Se se kaya gore o tla duela tlhwatlhwa e e kwa tlase go bona dithuso tse di lekanang le tsa ba ba mo tlhophong ya gago le fa ba amogela mogolo o o fetang wa gago. Gore o duela tlhwatlhwa e e kana kang go ikaegile mo bogolong jwa lelapa la gago gammogo le gore o tlhopha tlhopho efe mo go tse tlhano.
Jaaka leloko la GEMS, o tla itumelela thuso ya:
nako e telele.
Lenaneo la Taolo ya HIV/Aids le le go nayang tlhokomelo ya bosephiri fa o e tlhoka go gaisa.
Tirelo ya kalafi ya diura tse 24 e e akaretsang karolo e kgolo ya Aforika Borwa.
Ditirelo le mananeo a tlamelo ya boitekanelo a a matswatswa jaaka a Lenaneo la Boimana, Malatsi a Tlhatlhobo ya Pholo e ntle kwa lefelong la gago la tiro, gammogo le bontsintsi mo lesakeng la ditirelo le le tswelelang go gola ka dinako tsotlhe. Re batla go dira gore go nne bonolo mo go wena go nna ka pholo e ntle.
Fa o ikwadisa mo go GEMS, o karolo ya sekema sa kalafi se se maatla mo matloleng ka botokololo jo bo golang ka bonako.
Sekema se se tshwenyegileng tota ka ditlhokego tsa gago e bile se tsepamisitse maikutlo a sona mo go tsona -re a reetsa fa maloko a rona a bua!
Dithuso tsa tlamelo ya boitekanelo tse di gaisang tota ka dikelo tsa tlhwatlhwa e e kgonegang.
Bosephiri jo bo totobadiwang e le ruri - tshedimosetso ya gago ya kalafi ka gale e tsholwa e le ya bosephiri gotlhelele -tota le mothapi wa gago a ka se e itse.
Ditleimi tsa tuelo tsa ka bonako e bile di rulangantswe sentle di dirwa mo malatsing mangwe le mangwe a le 14.
Tlhaeletsano ya ka gale go maloko.
Tirelo ya Badirisi e e ka go thusang ka puo efe kana efe ya semmuso mo Aforika Borwa.
Tirelo ya go thusa badirisi e e botsalano e bile e rulagane sentle kwa Tirelong ya rona ya Badirisi gammogo le diofisi tsa dikgaolo.
Diofisi tsa dikgaolo go ralala naga go dira gore phitlhelelo mo go thusiweng le go boneng ditirelo e nne bonolo.
Phitlhelelo go tlhokomelo ya kalafi e e tseneletseng kwa ditheong tsa baagi le tsa poraefete.
Lenaneo la Taolo ya Malwetse go laola kalafi le ditlhwatlhwa tsa malwetse a nako e telele.
Motlamedi wa tirelo yo o supilweng yo o tla netefatsang gore o amogela melemo ya gago ya kgwedi-le-kgwedi ya malwetse a
Go nna leloko, latela dikgato tse di bonolo tse
Kgato ya 1: Bona foromo ya kopo - o ka e pagolola mo go www.gems.gov.za, kgotsa ka go ikgolaganya le Tirelo ya Badirisi mo go 0860 00 4367, kgotsa bua le lefapha la gago la badiri (HR department);
Kgato ya 2:Tlatsa foromo - netefatsa gore o tlatsa dikarolo tsotlhe ka botlalo gammogo le go tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tse di kopilweng (leba: Ke ditokomane dife tse o tlhokang go di romela le kopo ya gago? fa tlase);
Kgato ya 3: Re romelele foromo e e tladitsweng le ditokomane ka fekese, poso kgotsa e-mail.
Ke ditokomane dife tse o tlhokang go di romela le kopo ya gago?
Fa e le gore o batla go ikwadisa mo go GEMS, o tla tlhoka go tlamela ka dikhopi tse di tempilweng semmuso (certified) tsa ditokomane tse di rileng, jaaka makwaloitshupo, la gago le a maloko a lelapa la gago, gammogo le foromo ya gago ya kopo. Etela website ya rona www.gems.gov.za go bona lenane le le feletseng la ditokomane tsotlhe tse o ka tlhokang go di romela, kgotsa leletsa Tirelo ya Badirisi ya rona mo go 0860 00 4367. Go botlhokwa go ela tlhoko gore fa e le gore ga o romele ditokomane tse re di tlhokang, GEMS e ka se kgone go samagana le kopo ya gago e bile kopo ya gago e tla diegisiwa go fitlha ditokomane tse di tlhokegang di amogetswe.
Dikabo tsa kgwedi-le-kgwedi tsa GEMS tsa 2010
Jaaka ka gale, GEMS e lwela go go tlisetsa dithuso tsa tlamelo ya boitekanelo tse di gaisang ka mo go ka kgonegang ka teng go tsamaelana le ditlhokego tsa gago. Go fitlha ga jaana, re kgonne go tshola tlhatlogo mo dikabong tsa gago tsa kgwedi-le-kgwedi gore di tsamaelane le infoleišene ya tsa kalafi. Go tlamela ka tlhopho e e oketsegileng ke seo maitlamo a rona mo go wena e leng ka ga ona. Go na le boitlhophelo jwa thuso jo bo maleba tota mo ditlhokegong tsa tlamelo ya boitekanelo tsa lelapa la gago gammogo le kgwatlha ya gago!
A ke madi otlhe a kabo ya kgwedi-le-kgwedi mme ga a bontshe karolo ya madi a thuso (subsidy) ya motlhapi. Mo mabakeng a fa mothapiwa a tshwanetse go bona madi a thuso, mothapi o tla duela karolo ya kabo mme mothapi o tla duela karolo e e setseng. Seemogodimo sa madi a thuso se laolwa ke bogolo jwa lelapa e bile se lekanyeditswe go 75% ya dikabo tsa gago tsa kgwedi-le-kgwedi, se se lekanyeditsweng go R2 570.
Karolwana ya Mogolo Leloko Mogodi Ngwana Karolwana ya Mogolo Leloko Mogodi Ngwana
A o tlhoka tshedimosetso go ya pele?
Karolwana ya Mogolo Leloko Mogodi Ngwana
Romela SMS go 083 450 4367 o tlhagisa nomoro ya gago ya Persal, mme re tla go leletsa.
Leletsa Tirelo ya Badirisi mo go 0860 00 4367.
